Discover millions of ebooks, audiobooks, and so much more with a free trial

Only $11.99/month after trial. Cancel anytime.

Ntlotlele Tsa Maloba
Ntlotlele Tsa Maloba
Ntlotlele Tsa Maloba
Ebook112 pages3 hours

Ntlotlele Tsa Maloba

Rating: 5 out of 5 stars

5/5

()

Read preview

About this ebook

A collection of short stories by J.M. Ntsime, P.A.P. Mampie, G.J. Rousseau.

Ntlotlele tsa maloba e re ruta ka dinaane tsa diphologolo. E re ruta ka mathata a re kopanang le ona mo botshelong le gore ke eng seo re tshwanetseng go se dira fa re le mo pitlaganong. E re ruta gore mo botshelong, re se tshege yo o weleng mareledi a sa le pele mme gape fa motho a tsalegile, o nna le mowa wa Modimo ga a ipusolosetse. Motho gape o tshwanetse go gopola mafoko a a reng ‘Go sego ba ba humanegileng mo moeng gonne bogosi jwa legodimo ke jwa bone’.

LanguageTswana
PublisherVia Afrika
Release dateSep 19, 2017
ISBN9781415452790
Ntlotlele Tsa Maloba

Read more from Jm Ntsime

Related to Ntlotlele Tsa Maloba

Reviews for Ntlotlele Tsa Maloba

Rating: 5 out of 5 stars
5/5

1 rating0 reviews

What did you think?

Tap to rate

Review must be at least 10 words

    Book preview

    Ntlotlele Tsa Maloba - JM Ntsime

    Mo lefatsheng ja Khuduthamaga go kile ga bo go le kgosi nngwe e bidiwa Gobusamang. Kgosi Gobusamang o ne a nyetse mosadi yo montle thata a bidiwa Bontle. Kgosi e, e ne ya tshela le mosadi wa yona sentle go se na matshwenyego ape. Morafe wa bona le ona o ne wa ba obamela, o tshegeditse melao ya puso ya gagwe.

    Gaufi le lefatshe ja ga Kgosi Gobusamang go ne go le lefatshe lengwe le bidiwa Marugasepula. Mo lefatsheng je, go ne go na le mosimamongweo bidiwa Nkgo-ya-badimo, ke go re felo foo badimo ba kgonang go bua le batshedi teng. Ka letsatsi je lengwe Kgosi Gobusamang a rera go etela Nkgo-ya-badimo go ya go senolelwa botshelo jwa gagwe le jwa morafe wa gagwe.

    Fa a fitlha teng, ga tlhaga lentswe mo mpeng ya lefatshe mme la re: Wena, Kgosi Gobusamang le mosadi wa gago, lo tla tshola ngwana wa mosimane, mme mosimane yo, o tla bolaya rraagwe a be a nyala mmaagwe. Mafoko a, a tlhaba Gobusamang mo pelong. Pelo ya gagwe ya gelela madi a mantsho a kutlobotlhoko. A boela gae a sulafetse mogopolo. A feta a bolelela mosadi wa gagwe mafoko a a botlhoko ao a a a utlwileng kwa Nkgong-ya-badimo.

    Ba ne ba tshela mmogo ka boitumela le fa ba ne ba na le lengwana mo pelong. Dipelo tsa bona di ne tsa sulafala fa ba gopola mafoko a Nkgo-ya-badimo. Morago ga ngwaga mohumagadi wa kgosi a tshola ngwana wa mosimane. Tiragalo e, ya ba tsenya tsebetsebe gonne ba ne ba lemoga fa mafoko a Nkgo-ya-badimo a sa wela fa fatshe. Ba ne ba rera go bolaya ngwana yo mme ka gore molao wa lefatshe ja bona o ne o ilana le go tsholola madi a motho, ba kgoreletsega go dirafatsa maikaelelo a bona.

    Ba simolola go loga leano ja go fedisa botshelo jwa ngwana yo. La bofelo ba tsaya phatsa, ba tlhaba ngwana mo mesifeng ya mangole a mabedi ka fa morago. Ba mo naya motlhanka mongwe wa bona go ya go mo latlhela mo dikgageng tsa Tlhapamadi. Fa motlhanka yo a fitlha mo dithabeng tse, a fitlhela badisa ba ga Kgosi Gaborone. Badisa ba, ba mmona fa a baya ngwana mo logageng longwe lwa dikgaga tseo. E rile fa a hulara a kgatlhana le modisa yo mogolo wa ga Kgosi Gaborone mme ba feta ba akanya ka ga ngwana yo montle yo, mme ba tlelwa ke khutsafalo e kgolo fa ba bona kotsi e e tlhagetseng ngwana yo. Pono e, ya kgobera maikutlo a kutlwelobotlhoko mo modiseng wa ga Kgosi Gaborone. A kopa motlhanka wa ga Kgosi Gobusamang gore a itseele ngwana yo a ye go mo ikgodisetsa. Motlhanka a dumela mme a re e nne lekunutu la dipipimpi khupamarama re swa natso.

    Modisa wa ga Kgosi Gaborone a ntsha phatsa e e neng e tlhabile ngwana. A mo tseela kwa mekgorong ya bona. Kwa teng a mo fepa ka mašwi a dipodi le dikgomo. Fa a ntse a tshotse ngwana yo a gakologelwa fa beng ba gagwe ba se na ngwana. A tlelwa ke tsholofelo ya gore ba tla feta ba itumelela ngwana yo. Morago ga malatsi a mararo a kubuga ka makuku a banna a ya kwa motseng wa gabo wa Tlhapamafura. Fa a fitlha teng a feta a itsise kgosi le mohumagadi wa gagwe gore o fitlhetse ngwana mo logageng lo lo boitshegang mme ka gore o ne a itse fa ba se na bana o ne a gopola bona ka pele. Mme ba itumela thata, ba leboga motlhanka wa bona yo o boikanyo. Letsholo, motlhanka wa bona, a kopa gore mosimane yo a fiwe leina ja Molatlhwa gonne a ne a latlhilwe. Kgosi le mohumagadi ba dumela go mo fa leina je.

    Molatlhwa a golela fa, ka boitumelo le nonofo e e tletseng. Kgosi Gaborone o ne a mo fatlhosa jaaka morwae. E rile fa a tiile, a sugegile, e le monna, Kgosi Gaborone a kopa setšhaba sa gagwe gore Molatlhwa a dirwe mojaboswa wa bogosi jwa gagwe. Ka gore Molatlhwa o ne a na le seemo le tshobotsi ya ngwana wa bogosi, e bile madi a bogosi a elela le ditshika tsa gagwe, morafe wa fitlhela bogosi bo mo tshwanela tota. Ga begelwa phatlalatsa gore Molatlhwa o tla tsaya bogosi mo khularong ya Kgosi Gaborone.

    E rile fa Molatlhwa a lemoga gore o godile e bile o setse a lekane lenyalo, a eletsa go etela Nkgo-ya-badimo. O ne a tloga mo mesong a palame pitse e tshweu. Fa a fitlhateng a feta a khubama a rapela gore badimo ba mo senolele botshelo jwa gagwe. Fa a fetsa, a utlwa lentswe je lekima le bua le re: Monna, Molatlhwa, o tlile go bolaya rraago o be o nyala mmaago. Mafoko a, a tshosa Molathwa thata mme a lemoga gore se se botoka ke gore a tshabe a tlogele rraagwe le mmaagwe mme a ye go nna kwa lefatsheng je lengwe.

    Molatlhwa a boela gae mowa wa gagwe o futsafetse thata. A se ka a lala a bo bone boroko gonne o ne a khidiwa ke mafoko a Nkgo-ya-badimo.

    Fa masa a tla a rwaleletse, Molatlhwa a supuloga fa a neng a laditse tlhogo teng, a inaya naga. Totatota o ne a tshaba go bolaya rraagwe gore a tle a nyale mmaagwe.

    Kwa lefatsheng ja Khuduthamaga go ne ga wa bolwetse jo bo neng jwa gaila setšhaba. Bolwetse jo bo ne jwa tlisiwa ke phologolo e e setlhogo e e tlhogo ditharo. Phologolo e, e ne ya solofetsa morafe gore fa go ka baa mongwe yo o neng a ka araba potso e e latelang, bolwetse bo ne bo tla nyelela ka ponyo ya leitlho. Potso e ne e re: Ke phologolo efe e e tsamayang ka maoto a mane mo mosong, ka a mabedi tadi e amusa, ka a mararo maitsiboa? Matlhale a otlhe a morafe wa ga Kgosi Gobusamang a palelwa ke go araba potso e.

    La bofelo, fa Kgosi Gobusamang a bona gore morafe wa gagwe o a nyelela, a ya go kopa thuso kwa Nkgo-ya-badimo. A golega kolotsana ya dipitse mme a tsamaya le motlhanka mongwe wa gagwe wa boikanyo. Mo tseleng ba re, kgatlha! thu! le Molatlhwa. Ba ne ba sa itsane mme kgosi le motlhanka wa gagwe ba gopola gore Molatlhwa ke lenaba je legolo. Ba leka go mo lwantsha. Ga tsogantwa e e matlho mahibidu. Molatlhwa o ne a sutsitse, a kwenne, dipotongwane le dikgoka di gwamile sentle. E rile fa ba mo tlhasela a leka ka natla go iphatlosetsa. Ntwa ya fagela pele, ga dubakana ga nna nthagaraga. Mo gare ga yona nthagaraga eo, Molatlhwa a bolaya Kgosi Gobusamang. Fa motlhanka a bona gore mong wa gagwe o ragile thokolo, a tlhanola direthe, a ngongwaela le sekgwa a boela gae.

    Fa a fitlha kwa gae a feta a bolelela setšhaba matlhotlhapelo a a diragetseng mo tseleng. Morafe wa lela selelo sa masetladibete gonne o ne o latlhegetswe ke moeteledipele yo o molemo, yo o boikanyo. Mahutsana a morafe a oketsega fa bolwetse bo nnetse go momona morafe, bo sa batle go boela morago.

    Bannabagolo ba motse ba dira boikuelo mo morafeng le mo bathong botlhe gore yo o ka arabang potso ya phologolo e, go boloka botshelo jwa setšhaba, o tla dirwa kgosi gonne kgosi ya morafe e sule. Go ne ga tlhokafala yo o neng a ka e araba.

    Morago ga malatsi a se kae Molatlhwa a goroga mo motseng wa ga Kgosi Gobusamang. A fitlhela morafe o le mo tlalelong e kgolo gonne o ne o tseneletswe ke sera se segolo, se se setlhogo. A feta a utlwa ka fa morafe o lelang ka teng, mme a kopa baeteledipelele ba bagolwane ba morafe gore ba mo ise kwa phologolong e. Fela fa ba fitlha, phologolo ya be e setse e re: Ke mang yo o ka mpolelelang gore ke phologolo efe e e tsamayang ka maoto a mane mo mosong, ka a mabedi tadi e amusa, ka a mararo maitsiboya? Molatlhwa a korobetsa tlhogo, a tsepa matlho fa fatshe. A lelalela kwa godimo a ingwaya tlhogo. A busa matlho a tlhaba phologolo e e boitshegang e ka ona a re: Phologolo e, ke motho. Phologolo ya re: O arabile sentle, ke motho. Bolwetse jwa nyelela. Morafe wa tlala boitumelo wa opela dikoma tsa pako. Batho ba goa, ba re: Molatlhwa ke moregolodi, ke morepholosi. Molatlhwa ke kgosi ya rona, o re ntshitse mo leganong ja tau.

    Molatlhwa a tlhongwa mo setilong sa bogosi jwa Kgosi Gobusamang. Ka gore Kgosi Gobusamang o ne a sule, Molatlhwa a nna mo ntlong ya gagwe. A fitlhela Bontle, mosadi wa ga Gobusamang, a le montle e bile e kete ga go mosadi

    Enjoying the preview?
    Page 1 of 1