Discover millions of ebooks, audiobooks, and so much more with a free trial

Only $11.99/month after trial. Cancel anytime.

Go ša Baori
Go ša Baori
Go ša Baori
Ebook233 pages8 hours

Go ša Baori

Rating: 2 out of 5 stars

2/5

()

Read preview

About this ebook

Thulaganyo ya padi e e maphatamabedi mme a kopana fa a ya bokhutlong. Karolo ya ntlha ke modutela o o tshelang mo karolong ya bobedi mme di bope selo se le sengwe. Tsoopedi di bua ka botshelo jwa mmamodikwaneng le ditlamorago tse di diphatsa tse baanelwa ba iphitlhetseng mo go tsona. Potso o iphitlhela kwa kokelong morago ga gore Kerotse a mo ntshe thari kwa madikwadikwaneng mme a teketwa ke batho bao a batlileng a ba thula ka koloi. Mo karolong ya bobedi, Olebile le mogatse Mmoni ba fetoga direpa fela ka ntlha ya Mathabe. Bana ba sekolo sa Mathabe ba iphitlhela mo mathateng a a seng kana ka sepe fa ba tshwanetse go tsenela dikgaisano tsa mmamodikwadikwane.

LanguageTswana
PublisherVia Afrika
Release dateNov 29, 2018
ISBN9781415461617
Go ša Baori

Read more from Dps Monyaise

Reviews for Go ša Baori

Rating: 2 out of 5 stars
2/5

1 rating0 reviews

What did you think?

Tap to rate

Review must be at least 10 words

    Book preview

    Go ša Baori - DPS Monyaise

    MAAKA GA se khumo, bagaetsho. Le fa go twe mosimane mongwe wa gaetsho – leina le senya motse – o kile a tswelela pele ka go dirisa maaka mo kgarebeng e sa bolo go mo tlhola, nna ke tlaa leba bonnete matlhong. Ga ke mo kgale. Aitsane o ne a sa bolo go ipala mabala, mosimane yo. Mme a itaya ka kwa ntle jaaka tlhobolo ya bujane; ke fa a tlelwa ke namane e tona ya popota ya leano. A tsaya tsholo, a e katela ka fa tlase ga dinala tsa menwana ya diatla. E rile maitsiboa a itse gore mosetsana o itisitse mo legaleng la molelo wa mariga a ja nala. Fa a goroga a fitlha a dula kgakajana le molelo, go fitlhela mosetsana a kopa gore a atamele, e se re gongwe a bolawa ke mala. Ka pelo a re matlakamaleo. Ke fa a atamela, a fitlha a lepeletsa dinala mo ’iso e kete o a ikomosa. Ga go a feta motsotso mosetsana a bo a bona mafura a rothela mo legaleng. Fa a gakgamala gore o bona botubi jwa eng, moeka a re, Nnyaya, se gakgamale. Kana jaanong o bona bopaki jwa khumo e ke sa bolong go re o tle go e nthusa, mme o gana...

    Ga a ka a digela lefoko, mosimane yo. Le gale, bagaetsho, a re tlogeleng tseo; mafoko a buiwa go omanwa.

    Jaanong ke leba bonnete matlhong. Koko ya bobedi e ne e lela fa ke raya Kerotse ke re bo sele, re tsamae. Fa ke rialo mosimane wa matlhogole a ntsha pina e o neng a e rata bobe; ka itse gore ke maaka a loleme, ke itapisa fela. Ka dula. A dikologa le lekolwane le o neng a ikaeletse go tsenela kgaisano ya modikwadikwane wa bommampodi jwa Aforikaborwa nalo. A relela, a sesela mo diatleng tsa setswerere sa mosimane.

    Ga ke itse gore go fetile nako e le kana kang ba ntse ba dikologa, ka ke tshogile a setse a eme fa pele ga me, a re, Jaanong re ka tsamaya.

    Ra wela tsela. Mogopolo lesilo. Le fa ke ne ke itse gore molato ke wa me gore a iphitlhele a sesela le motho osele, ka fitlhela e kete ba logile leano lengwe. Teng fao, ka hupela mowa. Ka mo utswa ka leitlho. Fa ke bona a tlhapile sefatlhego ka betwa ke pelo. Nteko ke tiisa lonao. Pina e o neng a ntse a e dumaduma ya kgaotsa. Ka utlwa a kwatlalatsa mmele, a thiboga mo go nna go se gonene. Ka pelo ka re ke tlaa go ruta batho. Kooteng fa ke rialo ka thibosa matlho mo tseleng go bona gore letshogo le kae mo go ena. Fa ke leba tsela gape ka fitlhela re le mo marakanelong a tsela ya Ebatone le Perekwane, mme tsela e sa bonale. Sa bofelo ke gakologelwa ke utlwa mongwe a re, Bona koo! Owai, tlogela. A ke gatile maremo, kgotsa ke dirileng, ga ke itse. Ga ke itse sepe fela.

    Ka itse gore ke mo kokelong. Ka utlwa gore mongwe o dutse gaufi le bolao jwa me. Kgantele ka utlwa a re, Potso! ka lentswe le lesesane, le le boleta jwa boboa jwa ka fa teng mo nkung ya lefarelane, le le bothito, la sesadi. Ka didimala gore a bitse gape, e le sa ntlha ke utlwa lentswe le le sesadi jalo; e bile e kete le ka buela ruri. Ka retologa go bona mong. Ka utlwa a sunetsa gangwe le gape ka pelo e e botlhoko. Fa ke sa ntse ke lwa le go retologa, a nanoga. Ka itse gore o tlaa tsamaya ke sa bona le fa e le serethe sa setlhako sa gagwe.

    Potso ... ka mo sala morago ka maitlhomo. Kerotse!... La gagwe le na le kodu ya sesimane; le mororo ke sa dumele a ka dira matsapa a go mpona mo kokelong. Nnyaya; e ne e le mongwe wa basetsana ba ba ka tlogelang motho mo ntlong a lwala, e bile a le gaufi le loso, go ya modikwadikwaneng. Go itlhobaetsa boroko ka wena, e ne e se ga gagwe. Mme le fa go ntse jalo, a le sesadi. Fa o le motho wa madimanaona goyagoile, o rata botshelo le boipelo ka mowa wa gago otlhe, o ka tshela nae ka boitumelo. Sebe sa phiri e ka nna fa e ka re ’tsatsi lengwe ga diragala phoso ya gore o palelwe, gona a go tlogela o le mokoa!

    Potso, a bua ’tsatsi lengwe re tswa modikwadikwaneng kwa Tshwane, o fela pelo ka bonako. Ga o nkgatlhe fa e a re ke ise ke bo ke dikologe gabedi o bo o setse o re go tsamaiwe. Kgotsa ga o rate go bona ke ipela?

    Ga ke robale sentle, ka araba ke tlhoname.

    A tsosa tlhogo mo legetleng. O tlhobaediwa ke eng?

    Fa mosetsana a botsa potso e o ka reng fa e se gore ke wena, le fa tota go sa nna jalo? Fa mosetsana a ne a supa gore bontsi jwa dilo tse a di utlwang mo dipounameng tsa gago, mosimane, ke maaka a loleme, botshelo bo ka bo bo le bosula tota. Kgotsa fa a ne a ka supa gore o itse maikaelelo a gago ka go mo tshwantsha le mola wa godimo ka bontle, botshelo bo ka bo bo sa nna jaaka re bo itse. Mosetsana o pelokgale, mme ka maitlhomo ke moreti. O tsaya mafoko a gago a a buegileng ka boatla kgotsa ka botswerere, a e bile o itseng sentle gore a kgakala le boammaaruri, o a apesa ka losire lwa maitlhomo a sesadi gore a kae se se neng se le kgakala le bokao jwa gago! Mme fa o bona monyenyo wa gagwe o ithaya re o mo forile, setlatla ke wena. A re nne fela jaana, Potso.

    Fela jaana? O raya jang?

    A nteba mo matlhong. Ka itse gore o raya jang. Modikwadikwane goyagoile. Nnyaya, e seng Kerotse. Kedibone? Ke ena o neng a ka tla kokelong. Botshelo bo a gakgamatsa. Fa o fitlha mo marakanelong a ditsela o tsaya ya molema kgotsa ya moja, ya bokone kgotsa ya borwa. Mme fa o sena go tsamaya sekgala se seleele, e bile o lapile, o lemoga gore tsela ya gago ke e o e tlogetseng kwa morago. Ga nna jalo ka Kedibone. E ne e le ngwaga wa bobedi ke ntse ke tsamaya le ena, batho ba lebeletse fela ’tsatsi la boipelo mo go rona. Dilo tse, tsa go tabogela kwa le kwa fa morago ga dilo tsa sešwa, e se tsa gagwe. Fa a tswa tirong a fitlha a tsena mo ntlong, a dira ditiro tsa lelapa. O tlaa tswa gape ka moso a ya tirong. Go se ’tsatsi le ke fitlhelang molaetsa wa gore ke tlaa mo fitlhela kwa, kgotsa kwa. Go se ’tsatsi le a tlang ka nako esele, kwa ntle ga e ke e tlwaetseng. Mosadi tota wa mosalagae, yo e reng monna a tla a iteilwe ke lefatshe a fitlhe a lelele mo legetleng la gagwe; matsapa le matshwenyego a tshabe ka ponyo ya leitlho. Go setse fela gore re tlhome letsatsi.

    Potso, a botsa a nyenya, fa nka tsamaya le Makgoa sebaka sa ’beke tse pedi, o tlaa sala o dirang?

    Ke itse gore ga o tsamae le Makgoa.

    O itse jang?

    Jaana, ka araba ke mo atla.

    A thibosa molomo wa me. Ga ke tshameke. Mme fa o gana ke tsamaya, go siame. Bogolo nka mpa ka tswa mo tirong, go na le go tsamaya kgatlhanong le keletso ya gago.

    Tsamaya. Kgotsa o tshaba gore ba tlaa sala ba go tsubulela? Ka ithaya ka re o tlaa tshega. Fa ke bona a ipipa matlho ka akofa go re, Kedi, mokapelo, intshwarele. Ka bua ke phimola dikeledi ka dipounama.

    A nteba mo matlhong ka lobaka lo loleele... ao, lo loleele tlhe, ka ba ka utlwa segakolodi sa me se ikoba. Morago ga lobaka lo loleele a tsena mo phaposing ya go apeela. Kgantele a tswa sefatlhego se tlhapile. A nka tsamaya, Potso?

    Ga ke gakologelwe gore a ke ne ka mo rebola. Se se teng, e rile beke morago ga gore a tsamae ka tla ke palame mmotorokara le mosetsana mongwe wa maratagolejwa, motho wa ’thupa tsa maretlwa, a bua a ba a fapha motlhagare ka mogano ka ga kgaisano ya modikwadikwane. Nna le Kedibone re ne re utlwa fela go umakwa. Ka tsaya gore ka a tsamaile le Makgoa go ikutswa gangwe ga go na go senya sepe. Ka Laboraro la beke e e latelang ka ya holong ya Bantsho mo Gouteng. Ka fitlhela botshelo jo bošwa mo go nna. Mosimane yo moleele a relela, a sesela, a ba a sala a temeka jaaka lotlhaka lwa noka. Ka fitlhela mosetsana wa me e le setswerere tota, kitso ya gagwe e feta go ipolela; fa a tsenya lekolwane mo kgatong kgotsa moseselo mongwe, e le ka kitso e e tlhwekileng. Ka ntlha ya ditlhong ka diega go simolola go ithuta.

    Nako ya feta ka ponyo ya leitlho. Le gale, ga tla gore ke simolole. ’Tsatsi lengwe le lengwe ke tsena fela ka legae gore ba mpone. E re go twe dijo ke tse, ke nathe ke eme ka dinao. Fa segakolodi se botsa gore ke dirang, ke se bobise ka go re ke batla gore Kedibone a fitlhele ke le kgakala ka thuto ya modikwadikwane, ke tle ke kgone go mo ruta. Ke ne ke sa dumele gore o ka rutega, mme ke solofela gore e tlaa re ke ntse ke iketlile le ena a nne le kgatlhego ya go ntetla go tsamaya ke le esi! Ka itse fa go setse malatsi a mabedi.

    Mma, ke sa ya, ka bua jaaka gale.

    Potso, ga o tlhole o nna mo gae, mo malatsing a. Ga ke itse gore ga twe Kedibone o tlaa boa leng.

    Ka emela gore a re go siame, nka tsamaya. Ke ne ke sa tsamae fela kwa ntle ga tetla. Fa a re ga a itse gore Kedibone o tlaa boa leng, ka garoga pelo. Ka bona kgaitsadiake yo o ntlhatlhamang a tsholetsa sefatlhego, a ba a se diga ka bonako.

    Bua, ke utlwe.

    Mmê a baya sejana fa fatshe. O utlwile a reng, Potso?

    Ke bona a ntebile.

    Mmê a nteba, a mo leba. A tswa ka phaposi.

    Ke ne ke le masomaamabedinne a dinyaga ka nako eo, ena a le somethataro. Ka kakanyo ya rona a sa ntse a nkga mašwi; etswa nnete e le gore mosetsana wa dingwaga tseo o feta lekolwane la dingwaga tsa me kgakala ka tlhaloganyo ya tlhago. Ga se sepe. Tsamaya! Fa ke le mo kgorong a re, Maabane ke ...

    Maabane? Le go ka! Kedibone mo gae? Ka itse gore o tshameka ka nna. O saletswe ke malatsi a mabedi ... o buile jalo fa a tsamaya. Ka betwa ke pelo go utlwa a tshameka ka nna; ka betwa ke pelo gore Kedibone a boe pele ga letsatsi le a le badileng; ka betwa ke pelo gobo mosetsana wa modikwadikwane a ... Jaanong o ntse o didimaletseng?

    Go tlaa thusang? a bua a tsena mo phaposing ya gagwe. Ya re a le mo kgorong a re, O kile wa bona kae motho a latlha masutlha, a tloga a a boela a sa ntse a na le ditlhako tse dintšhwa?

    A nkatela loleme mo ganong. Ka tsena mo phaposing ya me. Go bona Kedibone ke gopotse mosetsana wa modikwadikwane go sa balole; go bona mosetsana wa modikwadikwane le gona go sa balole. Ka itse gore kgetse e tlhakane, mme ka ikana gore ke tlaa ba tila boobedi. Ga feta malatsi a mabedi ke tsamaya mpadiakeke ka tsela e e motsopodia. Ka ’tsatsi la boraro ka lemoga gore ke ena a setse a le gaufi. E rile ke leka go tila a swa ka ditshego; a bolela fa a ntse a sa dumele fa nka tsamaya mo mafelong a a ntseng jalo. Fa ke botsa gore go tla jang gore ena a tsamae gona, a ntilola; mme a didimala.

    Ga ke itse gore ke ne ka reng fa ke araba. Ke gakologelwa fela gore o ne a swa ka ditshego jaaka e kete ke buile sengwe sa botlhokwa mo botshelong jwa gagwe. Fa ke utlwa a tshega monate jaana ka ineela. Ra tsena mo mmileng o o lebang holong ya Gouteng, kwa thulaganyo ya makgaolakgang e neng e tlaa nna gona. Fa re lebagana le Gamakwatlhe ra rakana kgatlha thu! le Kedibone ka sebele! Ka se ka ka itse gore nka fatola lefatshe jang, ka tsena. Ga ke itse gore a ke ne ka leka go mmuisa, kgotsa ke fetile fela. Ga ke itse gore a o na a nteba. Ga ke itse sepe fela ... kwa ntle ga se se ntlhagetseng kwa marakanelong a mebila ka ntata ya ga Olebile.

    Ka ngwaga wa 1950 Olebile a simolola sekolo sa modikwadikwane mo holong ya Mathabe, mo motseng wa Sofia, dimaele di le tlhano go tloga mo Gouteng ka tsela e e lebang bophirimatsatsi. Ke motse wa matlo a a ikagetsweng ke beng ba ona, gonne ditsha tsa motse o di rekisediwa batho bantsho. Ka e le motse o batho ba ikagelang mo go ona, matlo a gona a fapaane. Mangwe a mantle thata, mme a mangwe ga a mantle, go ya ka go fetafetana ga batho. A simolola ka basetsana ba barataro le basimane ba robedi; mme e se ka maikaelelo a go tlhabanela sekgele sa bommampodi jwa modikwadikwane mono Aforikaborwa. Mo malatsing ao a bonaana jwa sekolo sa gagwe, le ena tota a sa itse sentle gore o lebisa kae; le mororo kitso ya gagwe ya modikwadikwane e sa tlhweka sentle. Fa ngwaga o fela a romela ditlhopha tse pedi kwa kgaisanong e e neng e tshwarelwa kwa Benoni, mme e se ka leina la sekolo. Sengwe sa boa gaufi thata ka se tshotse maemo a bosupa. A tia moko. Jaanong a tlhwaya tsebe go utlwa kwa dikgaisano tsa modikwadikwane di tshwarwang gona. A simolola go romela ditlhopha ka bontsinyana a ba a itsege mo barulaganying ba dikgaisano tsa modikwadikwane. Ka nako nngwe a na a tsaya ba le babedi kgotsa ba le bararo go ya go tsaya malebela; e re ba boa ba fitlhe ba rute ba bangwe.

    Ka ngwaga wa boraro ga tla mosetsana yo o fitlhileng a fetola dilo. Le fa moeka a ne a sa itse sepe, mosetsana mongwe le mongwe yo mošwa a gorogela mo diatleng tsa gagwe gore e nne ena a mo tsenyang mo kgatong. Morago e nne gona a mo tlogelelang ba bangwe ka seipato sa gore ba tswelele ka se o se ba rutileng. Maitsiboa a mosetsana o tseneng ka ona moeka a dira jaaka gale; mme gangwe le gape a tsholetsa sefatlhego go fitlhela a hupetswe ke ditshego a bo a nama a botsa gore o tshegang se se kalokalo.

    Mosetsana a mo gogela kwa thoko. Rra, ga ke bone kitso ya gago.

    Olebile a mo tlhoma matlho lobaka lo loleele. Morago a re, Ngwana, mongwe le mongwe mo go ena e le ngwana, di gate ka dinao. Fa a sena go rialo a thubega ka setshego.

    Mosetsana a re, Nna ke tletse go rutwa, e seng go ruta. Ga ke bone o ka nthuta sengwe. A rakanya matlho nae. Kana wa re o mang?

    Go tloga maitsiboeng ao Olebile a tsena sekolo kwa Gouteng fa marakanelong a mebila, gaufi le boemelo jwa mebotorokara ya Sofia. Fa letsatsi le phirima a boele kwa baneng ba gagwe. Ga go a fela ngwaga ke fa a baya Mmoni palamonwana mo mmileng wa Lerang, ba bo ba fudugela kwa motse o felelang gona gaufi le kokelo ya malwetse a a tshelanwang. Khudugo ya Sofia ya umakwa ba le fao. Ka bonako Mmoni a lemoga gore fa Olebile a sa batlele dinamanyane tsa gagwe mafulo a mašwa nako e sa le gona, di tlaa falala, di tsena mo marakeng a mangwe.

    Fa a fitlha kwa Gouteng barutwana ba boa ka morago ka monokela, bogolo ba o ntseng a ba beile leitlho; mme e se mo go tlhobaetsang, go fitlhela go tswa Diale. Jaanong a itse gore mowa o somogile mo nameng fa go dule Diale, gonne bontsi bo ne bo tlaa mo latela. Le fa e ne e sa tlhole e le malatsi ale a maloba fa Mmoni a fitlhela a ikgata direthe mo Mathabe, a lemoga gore fa a tlogetswe ke Diale ke moka o robegileng mokotla. Gantsi o ne a fitlhela Diale mo gare ga bosetlabošweng, a gakolola, a eletsa, a ruta. Fa a phamola mongwe wa bona go dikologa nae, motho a ja monate go bona boleta jo a relelang ka jona. Olebile a mo tlotla, e bile a mo tshaba.

    Go se motho wa sepe mo go ena, fa o sa mo itse. Ka seemo a ka tshwara dinao tse tlhano le noko e le yosi; mo sefatlhegong a le dipadi tsa sekgwaripana, dipounama di sa latlhe sakerete. Ga ke itse sepe ka ga matlho a gagwe gonne bosigo le motshegare o ne a tsamaya ka matlhomane a batho ba a dirisetsang lesedi le le bogale. Diaparo, ka nako nngwe le nngwe fa o kopana nae, e kete o sa tswa go di adima, kgotsa o di apoletswe. Mme mo reye o re bodilo ke jo, mosetsana ke yoo, o tlaa fetoga ka ponyo ya leitlho fa pele ga matlho a gago. Ke Diale.

    ’Tsatsi le o tsamaileng ka lona Olebile a fitlha kwa gae a tlhontse. Mmoni a itse gore mokgwa o gona. Moeka a latlhela baki mo setulong, a gosomana fa fatshe. Ka motsotso o le osi a batla go ja mosadi nko e sa butswa gore Diale o tsamaile ka ntlha ya gagwe, ka ntlha ya go rata go sunya nko mo dilong tse di kgakala nae. Ya nna ka motsotso o le osi, ga bo go feta.

    Mmoni a baya sejana se o neng a se tshotse mo tafoleng, a nna fa fatshe ka iketlo. A botsa gore Diale o tsamaisitswe ke eng, go ipha nako ya go akanya gore ba tswa jang mo

    Enjoying the preview?
    Page 1 of 1